LESILO RULA 3 - LESILO RULA 3 SOTHO DRAMA ALL AGES IN SOUTH AFRICA

Title: Lesilo Rula 3 Starring: Sotho Drama Synopsis: EP. 10 - Ngwana waga Raitlhwana le Nkele, Jerry o goroga go tswa Soweto, go tla go batla rragwe. Jerry o ya go bona Tshepo go mo itsise ka lekwalo le a le amogetseng go tswa kwa go mmagwe, mme o mo loma tsebe gore rragwe a ka tswa e le moloi.EP. 11 - Lepodisi Tshepo o sala Raitlhwanwa morago go ya kwa mabitleng, koo a lekang go bitsa Lesilo a sa tshola lenaka gonne a le lathile. Fa a feta basimane, o bona mongwe wa bona a rewele lenaka molaleng. A le tsaya mo go bone.EP. 12 - Raitlhwana o tlhakwangwa tlhogo ke mosetsana yo o dirang kwa lebenkeleng, Mmaphefo. Lesilo o laelwa gore a mo tshelele setlhare se se tla mo dirang gore a mo rate. Raitlhwana one a ya go okomela ramalatlha, mme a lemoga gore Tshepo o mo setse morago.Ntvwa e e bogale e e nang le matlho a phatshimang mme a le mashibidu e tibisa lepodisi Tshepo, yo o reteletsweng go e thuntsa.Ramalatlha o tsoga kwa dirapeng tsa baswi mosong o o latelang.EP. 13 - Raitlhwana o laela Lesilo gore a tshware monna yo o dirang ko polokelong ya madi poo. Raitlhwana o itlhaganelela kwa lapeng,fa a bula lebati, Tshepo a mo gogela ka fateng, a mo itaya ka lebole mo mpeng a mo tswara. Tshepo a somola lenaka mo molaleng wa ga Raitlhwana, mme a laela Lesilo go tlhorisa Raitlhwana. Raitlhwana one a tshwarwa, mme a emisiwa kwa kgotleng ya banna ba motse.

4.00/5

1 reviews

Add to your favorite ads
Lesilo Rula 3 - Lesilo Rula 3 Sotho Drama ALL AGES
loading
Price: R 0,00
R 0,00
2587218
Accept terms and conditions and privacy policy

Avoid frauds by contacting local ads only, and if possible try to collect the item by person. Do not be persuade by those who dispatch from another country or that request you to be paid by check or MoneyGram / ​​Western Union / Efecty, without any guarantee. We recommend you to read our safety tips.

Free Classified ads - buy and sell cheap items in South Africa | CLASF - copyright ©2024 www.clasf.co.za.